Connect with us

Setswana Grade 10

Diane tsa Setswana le ditlhaloso: downloadable pdf

Published

on

On this page you will find Diane tsa Setswana le ditlhaloso for Grade 12, Grade 11, Grade 10 in a downloadable pdf format

List of Diane tsa Setswana le ditlhaloso

 

Seane Tlhaloso
A a bewe (mafoko) Fa motho a latolela mmui wa mafoko (gongwe ka kgakgamalo) gore ga go ka ke ga nna ka tsela eo a buang gore go tla nna ka gona
A bo o bolaya o bo o bipa ka sekopa Monna go sotla ka mosadi wa gagwe, a mo gakgamatse
   
   
 
A dikala di kgaoganye le ditshukudu? Fa ditsala tse di neng di utlwana mo go sa solofelwang ke bangwe gore di ka kgaogana, di kgaogane
A diphalana tse re kileng ra ne re di letsa! Mogodi go ikutlwela botlhoko, a ikgopotsa mo malobeng fa a ne a sa ntse a kgona go ja mokaragana
A diphologolo di atlanegela batsongwana batsomi ba sajoile!  
Bana ba kgori monokana o sele, tshika fa e ya baneng e a kgaogana Losika lo a kgaogana fa lo ntse lo ata go ya pele
Bana ba motho ba kgaogana tlhogwana ya tsie Bana ba motho ba kgaogana sengwe le sengwe le fa se ka nna sennye jang
Bana ba Tshipa ba tsaya mmila o le mongwe Gantsi bana ba batho ba tshwana ka mokgwa
Bana mamphorwana maatlhamela babolai Bana ga ba na molato
Banna ga ba na thwadi ba bonwe ke mmamariga Monna ga a ke a rwala thoto jaaka mosadi a tsholela bana.
Banna matshootshoo ba tshosana ka marota Go le gontsi ponagalo ya motho e a tsietsa
Bodiba ba go ja (bo jeleng) ngwana wa ga mmaago, (e re o feta ka bona o) bo sikologe Fa sengwe se se bosula se ka diragalela wa gaeno o ka se rate gore le wena se go diragalele
Bontle bo na le dibelebetšhane Fa o ka ya le bontle jwa ka fa ntle o ka tsielega
Borwa bo phintse Go le tsididi (maruru)
Bosigo ga bo rone nta Ditiro tsa mo lefifing ga di nke di siama
Botlhale jwa phala bo tswa phalaneng Ngwana/Yo monnye a ka gakolola mogolo
Di fula mo melelwaneng Kotsi e gaufi le go direga
Dilo makwati, di tsewa mo go ba bangwe Motho o tsaya malebela mo bathong ba bangwe
Dintlenyane ke tsa ga motlapele, dibe ke tsa ga mosalamorago Dintlenyane ke tsa ga motlapele, dibe ke tsa ga mosalamorago
Di sa kopaneng ke dithaba Le fa o ka iphitlela motho ko befelong le tile go kopana
E e mašwi ga e itswale Ga se gantsi ngwana a gotsa batsadi ba gagwe
E re go gopola (bona) tshukudu o ikanye setlhare E re o ntse o gopotse motho (kgotsa o bua ka ene) a bo a potologa(mmapisetsa) (tlhagelela)
E se re go e buela lengopeng, magakabe a go lebile ga a o dira sengwe o ithaya gore o iphitlhile, go a be go nale yo o go boneng
E tla re re re ke dipitse re di bone ka mebala Go bona go gaisa go bolelelwa
‘Fifing go tshwaranwa (goganwa) ka dikobo Batho ba le mo tlalelong ba thusana ka go ipopa ngatana e le nngwe
‘Foko la kgosi le agelwa mosako Fa molao o beilwe, mang le mang o a o tlhokomela/obamela
Ga e ke e gangwa ka mogogorwana namane e le teng Motho ga a tshwanela go buelelwa a le teng
Gaabo motho go thebe-phatswa Motho o mogolo kwa ga bona
Jwa pitse (Bojang) ke jo bo mo mpeng, jo bo mo ganong e swa e bo hupile/jo bo ko ntle e swa e bo lebile -Sa motho ke se a nang naso, se a iseng a se fitlhele ga ise e nne sa gagwe.
Ka tlhagolela mookana ya re o gola wa ntlhaba O ka godisa ngwana ka dithata tsa gago, ya re a se na go gola a go direla bosula
Ke makgabe a dipapetla a logilwe ke ngwanyana a sa itse go otlha (Se ke itse e le leele [Maele a Setswana]: Go nna makgabe a dipapetla =go itlhaganela)
Ke moleti-moja-natso Fa o senya yona tiro e o thapetsweng go e dira
Kgaka e ntsho e fofa, mebala re e bona e sule Ditiro tse di molemo tsa motho di lemogwa fa a sule
Kgakakgolo ga ke na mebala, mebala e dikgakaneng Motsadi o tlhokomela bana thata ke ka moo re tshwanetseng go lebelela bontle jwa gagwe mo baneng
Kgetsi(e) ya tsie e kgonwa ka go tshwaraganelwa Batho ba dira tiro botoka fa ba e dira ba e kopanetse
Kgomo mogobeng e wetswa ke namane Mmaagwe ngwana o tsena mathateng ka ntlha ya ngwana.
Kgomo ya bogwe e tlhaba ka lenaka lo iname (e lo okile) Fa motho a direla ba bogwegadi o dira ka bojotlhe
Kgosi ke kgosi ka malata Motho ke motho ka batho ba bangwe
Kgosi thipa e sega molotsi Fa o laela moeteledipele go thatafaletsa bngwe molao, le wena o tla atlholwa ka ona
Kgosi thothobolo e olela matlakala Moeteledipele o rwala maikarabelo a balatedi ba gagwe
Khudu ya mariga e itsiwe ke mmei Motho fa a beile selo ke ene a itseng kwa ke teng
Khutsana e sa sweng e letile monono Fa motho a humanegile o ka nna a huma morago
Korwe ga ke je, ke bapalela tseetse Motsadi ka metlha o gopola bana.
Le fa o ka e buela lengopeng magakabe a e bona Fa motho a dirsengwe a ithaya a re o iphitlhile, mongwe o a mmona.
Le pelong (lefoko) ga le tshetshe  
Leaka le moloro mobe e a re le lorile nku le lale le e jele  
Lebelo ga le na motlogapele Ga se gore fa le simollotse segwe mmogo le tla fitlhella seo le se batlang ka nako e le nosi
Leeba le letonanyana kunkuru ga le e rutane le le le namagadi mmokong  
Lefatshe fatoga ke tsene go tlhajwa ke ditlhong
Lefoko ga le boe go boa monwana Mafoko a kgopisa le go sa lebalege go gaisa go kgotlhwa ka monwana kgotsa ntwa
Lefufa le kile la apeelwa le lejwe, lejwe la butswa lona la sala lefufa ga le fele mo bathong
Leitlho le le lengwe le tshabelelwa ke difatlhi Gantsi ngwana yo o tsholwang a le esi mo lapeng o atisa go tlhagelwa ke mathata
Lemphorwana la bojalwa ga le fofe Letagwa ga le na tswelelopele
Lepotlapotla le ja podi (pholwana), modikologa o ja kgomo ya tona Gantsi go molemo go ipha nako fa o dira tiro gore e tle e nne ntle. Go pataganya mediro motho o feleletsa a sa wetse epe ya tsone sentle. Go direla sengwe ka bonako go a senya
Leselo nkgokgothe, seupi ke kgomaretse Gantsi go nna le ditshupo tse di tshwarang motho fa a itatola selo sa gagwe
Letlametlo ga le ke le lela fela, le a bo le utlwile a magolo Fa motho a bua sengwe o a be a utlwile mo go ba bagolo
Lore lo ojwa lo sa le metsi ngwana o rutwa molao bonnyeng
Mabogo dinku a thebana Batho ba dira tiro botoka fa ba e kopanetse
Mafatlha a nku a itsiwe ke moegami Motho o tlhaloganya tiro e a e dirang ka metlha botoka
Mafoko a kgotla a mantle otlhe  
Mafura a ngwana ke go rongwa Ga se tshiamo go duelela ngwana thomo. Ngwana o tshwanetse go itumedisa batsadi ka go dira ditiro tse a di romiwng kwa ntle ga ngongorego kgotsa tuelo
Magogwe o belaela lemepe Go dumela sengwe kgotsa thulaganyo o ntse o belaela
Malata a ithuna a ile kgonnye  
Malope mphe thite, mogola o na le dinyeka Go itshimololela tiro go botoka go na le go newa ya batho ba bangwe
Maropeng go a boelwa go sa boelweng ke teng Kwa o kileng wa tsholwa sentle go bonolo go boela
Maru a se nang tladi malebatsa Selo se se iseng se ke se tlhagise kotsi se lebatsa batho
Maru ga se pula mosi ke ona molelo Mafoko ga se ditiro mme ditiro ke tsone tse di buwang
Matlho ke diala ga a je sa motho  
MayÔ le maboÔ ga a itsewe Tse di tla diragalang ga di itsiwe
Ena yo o itirileng tsala ya gago, ke ene yo o go tlhanogelang a bo a ja le dira tsa gago.
Mhinyana o a swa, selepe se sale Leina le ditiro tsa motho di sala di itsege ena a setse a ile
Mmangwana o tshwara thipa ka bogaleng Motsadi o tla nna a buelela ngwana wa gagwe le ntswa a le phoso
MmitsantŠwa ga a tshole thupa Fa o batla sengwe o tshwanetse go ikokobetsa
Mosadi ke tshwene o jewa mabogo, monna Tau o jewa marota Ga se gore motho fa a le montlentle, le mekgwa ya gagwe e ntse fela jalo
Moja morago ke kgosi.
Montsamaisa bosigo ke moleboga bo sele Fa o atlegile mo botshelong o leboge ba ba go thusitseng fa o ne o le mo mathateng
Mookodi wa pula o beelediwa ntlheng tsotlhe Botshelo bo lekwa ka maano otlhe.
Moremogolo go betlwa wa taola, wa motho o a ipetla Motho ke ene fela a kgonang go ipaakanya makoa a gagwe
Moroto o o esi ga o ele Motho a le esi a ka se kgona go dira tiro e e bonagalang(Motho ke motho ka batho ba bangwe)
Mosadi fa a inama o a be a ikantse motlokolo Motho ga a dira sengwe o a be a inkantse se sengwe.
Motho ga a itsewe e se naga. Le fa motho a ka iponatsha a siame ga o kake wa itse maikaelelo a gagwe
Motshega kgarebe ke monyadi wa yona Motho yo a nyatsang selo a ka tsoga a se dira
Ngwana ntae ke go lae tlhogoputswa ga se molao Mogolo a ka ithuta sengwe go tswa mo ngwnaneng. Ga se gore fa ele mogolo o tla nna a nepile.
Ngwana yo a sa leleng, o swela tharing Motho yo a sa tlhagiseng mathata a gagwe ga a kitla a bona thuso.
Ngwana yo o tlhogo kgolo o sira rragwe Ngwana yo o se nang maitseo o palela motsadi wa gagwe.
Nna o nkgokgotha leselo seupe ke go kgomaretse  
O se bone nong go rakalala godimo, go ya tlase ke ga yone Motho le fa a ka nna le madi kgotsa botshelo jo bontle jang kgotsa jang, go ya tlase ga gagwe go tla tswa mo go reng o itshotse jang le gore o tshotse batho bangwe jang teng godimo koo.
O se bone thola borethe, teng ga yone go a baba Ga se gore motho fa a le montlentle, le mekgwa ya gagwe e ntse fela jalo
O se tshege yo o o(we)leng, mareledi a sa le pele Se ka wa re fa o bona mongwe a tlhagetswe ke tsietsi wa sotla ka ena, e ka re ka moso wa tsoga o wetswe ke bomadimabe mme wa tlhoka kutlwelobotlhoko
O tshega-tshega di ja mme, e tla re di ja mmago, wa lela O se tshege yo o leng mo dipharagobeng ka gonne ka moso e tlabo e le wena.
Phiri e sola bobowa mokgwa ga e o latlhe Motho ga a nke a latlha mekgwa ya gagwe
Phiri o rile ga bo se gangwe Motho fa a kgobokantse o a ipeela, a naganele ka moso
Phokojwe ga a ke a latlha mosesele e le wa yona Motho ga a nke a latlha mekgwa ya gagwe
Phokoje go tshela yo o dithetsenyana Motho go tshela yo o botlhale
Pinyana fa e re ping, e a bo e utlwile tse di kgolo Ngwana fa a bua sengwe o a bo a utlwile mo go ba bagolo
Seboba re bata sa mokwatla, sa mpa re a mpampetsa O ka itshwarela mo ga eno go na le motswakwa
bodu se lekwa ka legano, sa nko se latsa le naga.e Mathata(kgotlang) e rarabololwa ka go bua eseng go ngalelana.
Sedikwa/ setshswarwa ke ntš(w)a-pedi ga se thata Tiro ga e nke e pala fa e tlhakanetswe (tlhakanelwa)
Sekukuni se bonwa ke sebataladi Fa motho a dira sengwe a ithaya a re o iphitlhile, mongwe o a mmona.
Setoto (setopo) se bitsa manong Kwa kgora e leng teng, batho ba nna bantsi
Setopo re supa sa nakedi, magogwe re mmega a sule Legodu le tshwarwang ka merwalo.
Seyabogwe se tletse, se boa se tletse Fa o se ngame kgotsa fa o thusa ba bangwe ka dilo tsa gago, le bona ba tla go tshola ka mokgwa oo
Susu o ilela suswane, gore suswane a tle a mo ilele Fa o le kwa godimo ka maemo, o tswhanetse go rekegela ba ba botlana mo go wena
Tadi e amusa Motshegare o mogolo (Sethoboloko)
Thupa go fedile ya dikgomo, ga sala ya batho Bana ba tshwanetse go aga ba kgalemelwa, ba sa lomelediwe.
Tau e iphutha metlhala e le nosi e na le bana (malawana) mafaratlhatlha  
Tau e se na(ng) seboka e siiwa ke none e tlhotsa Fa batho ba se seoposengwe ba ka se kgone tiro
Tau ga e ke e ja ngwana e sa mo tsala Motho yo a se nang kamano le wena, ga se gantsi a ka go direla molemo
Tedutshweu ga se botsofe Setshwano sa motho se na le go go tsietsa
Thebe ya sebodu ke leleme Motlapa o itshereletsa ka go bua thata.
Thotana e se nang khudutlou, bolobete ba ipha naga Batho gantsi ba itaola fa moeteledipele a se yo
Thubisi ga e bonwe, e bonwa ke motsogapele Selo sa botlhokwa se a phakelelwa, se tseelwe matsapa
Thukhwi o rile : “Ke lebelo”. Marota a re : “Ke Namile”. Mo botshelong motho a se ka a tshepa gore a ka bo kgona a le esi
Tladi e bogale e sa tswa marung Botlhoko jwa tiragalo e e masisi bo fokotsega morago ga lebaka
Tlhapi holofela leraga meetse a pshele o a bona Go botoka go itlwaetsa go dira tiro go sa le gale (mogopolo o sa le moshwa) e se re gongwe wa diega mme o feletse o sa bona se o neng o se batla. / Solofela mathata gonne se o ikantseng sone se ka go tlogela.
Tlhotsa pele ga se swa pele Go kgorelediwa ke mathata pele ga ba bangwe ga go kae gore ga o ye go atlega
Tloga tloga e tloga kgale, modisa wa dikgomo o tswa natso sakeng Go dira tiro go santse go le phakela go phala go e dira letsatsi pele ga e tlhokiwa
Tloga tloga e tloga kgale, modisa wa dikgomo o tswa natso sakeng Go dira tiro go santse go le phakela go phala go e dira letsatsi pele ga e tlhokiwa
Tsala e bolaile tsie Mogolo tsenngwa mathateng ke ngwana
Tsebe e ya moletlong e sa o lalediwa Motho o a tle a utlwe mafoko a a sa tshwanelang go a utl
Tsetse e seng eno ke nama Selo e seng sa gago ga o se rekegele, gantsi o se dirisa fela ka fa o ka kgonang ka teng. Kgomo e tsetse ga e a tshwanelwa go tlhajwa, mme fa e se ya gago o e tlhaba fela o sa e rekegele
Tsela kgopo ga e latse nageng Gantsi go molemo go ipha nako fa o dira tiro gore e tle e nne ntle. Go pataganya mediro motho o feleletsa a sa wetse epe ya tsone sentle. Go direla sengwe ka bonako go a senya
Tsetse e seng eno ke nama Selo e seng sa gago ga o se rekegele, gantsi o se dirisa fela ka fa o ka kgonang ka teng. Kgomo e tsetse ga e a tshwanelwa go tlhajwa, mme fa e se ya gago o e tlhaba fela o sa e rekegele
Tshega e fapogile metsetelo (marago) Go senyegile
Tshimo ya mosadi sekgwana mosadi o jwala a tlopela
Tshipo o rile ke lebelo, (marota) motlhaba w(a) re ke namile Motho le fa a ka dira bobe mme a re o a siya, o tla bo a nne a tshwarwe la bofelo.
Tsholofelo (ya pelo) ga e tlhabise ditlhong Motho fa a solofeditswe sengwe, kana a itsholofeditse sengwe mme se sa bonale, ga a tlhajwe ke ditlhong.
Tshoswane e kile ya roma tlou Go ka diragala gore mmotlana a laole mogolo.
Tshukudu e fetang maokana, pounama di botlhoko Fa motho a lesa se o tlwaetseng go se dira, mokgwa o a bo o le teng
Tshukudu e se nang ngwana e ikisa mokgobong Motho a se nang ngwana o itirela ditiro ka esi
Tshukudu e tswa sekgweng e tlhabilwe Motho o ntshisiwa boammaruri ke go kokonelwa ke diteteo
Tshukudu kwa gobe e isiwa ke ngwana Bagolo ba tsenngwa ke ngwana mo mathateng
Tshwene ga e ipone makopo(mariba) Ga go bonolo go lemoga makoa a gago kgotsa go ipona phoso
Tshwene ga e ke e re ga ke pila Motho mongwe le mongwe o bona bontle le botswerere ka nako tsotlhe fa a iteba. Le fa motho a ka tswa a le maswe go le kae, ga a ke a dumela fa a ntse jalo
Tshwene mopalami, mme ga a lebale go wa Modira-dibe o itse ka lobaka lotlhe fa e tlaa re ka letsatsi lengwe a tshwarwe, ga a lebale go loga maano go itlhokomela gore fa a ka tshwarwa a tle a falole ka mokgwa mongwe
Tshwene o bonye mapalamo mafologo ga a a bona Motho o bonye fela leano la go dira selo, la go se dirolola ga a a le bona
Tshwenyana e e bowa bo ntlha e a ikilela Fa o ikitse o le madimabe o tshwanetse go iphapha mo dilong
Tshweu ga di tshwane go tshwana dintsho Merafe e mesweu e a bo e ntse e eme mmogo fela ka dipaka tsotlhe, e mentsho yone e a lwantshana
Tsie e boswa seanong Fa motho a batla go huma o tshwanetse gore a tlhoafale jaanong a ipapalele, a se ka a tlhola a re ka moso
Tsie e fofa ka moswang Motho o dira sentle ga a jele
Tsie e senya ka bontsi Gantsi Bogodu bo atlega fa le bodira le le bantsi.
Tsweetswee e roba ditokololo Fa motho a kopa ka lobaka lo lo leele o feletsa a bone se a sekopang. O ka fitlhela a bone se a se boneng fa yo a mo kopang a feletsa a mo tlhomogela pelo

Diane tsa Setswana le ditlhaloso

DianeDownload

 

Click to comment

Leave a Reply

Your email address will not be published.

Trending